2 Corinthians 11

1Ke solofela gore lo tlaa nna pelotelele le nna fa ke ntse ke bua jaaka seeleele jaana. Ntetlang go bua se se mo pelong ya me. 2Ke lo tlhwaafaletse ka tlhwaafalo ya Modimo, ke tlhwaafaletse gore lorato lwa lona e nne lwa ga Keresete a le nosi, fela jaaka kgarebane e e itshekileng e bolokela monna a le mongwe lorato lwa yone, yo e tlang nnang ene monna wa gagwe. 3Mme ke a boifa, ke tshaba gore ka tsela nngwe lo tlaa timediwa mo boitshekong jwa lona mo Moreneng, fela jaaka Efa a ne a tsiediwa ke Satane mo tshimong ya Edene. 4Lo lebega lo tsietsega ka bonako: lo dumela sengwe le sengwe se mongwe fela o se lo bolelelang le fa a rera kaga Jesu yo mongwe go na le yo re mo rerang, kgotsa mewa e e farologaneng go na le Mowa O O Boitshepo o lo o amogetseng, kgotsa a lo supegetsa tsela e sele ya go bolokwa. Lo dumela gotlhe.

5Le fa go ntse jalo, ga ke bone gore “Barongwa ba ba hakgamatsang” ba ba ipitsang gore ba tswa kwa Modimong, ga ba nkgaise ka gope. 6Fa ke le sebui se se bokoa, mme ke itse se ke buang kaga sone, jaaka ke akanya gore lo gopola jalo jaanong, gonne re go tlhomamisitse gangwe le gape.

7A ke kile ka dira phoso ka ingotla go dira gore lo ntebele kwa tlase ka ntlha ya gore ke lo reretse Mafoko a Modimo a a Molemo kwa ntle ga go lo kopa sepe. 8
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Bakorintha II 11:9.
9
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Bakorintha II 11:8-9.
Mo boemong jwa moo ke “thopile” diphuthego tse dingwe ka go tsaya se ba neng ba se nthomeletse mme ka se dirisa fa ke santse ke na le lona, gore ke tle ke lo direle kwa ntle ga tuelo epe. Mme fa moo go setse go fetile mme ke tshwerwe ke tlala, ke ne ke ntse ke sa lo kope sepe, gonne Bakeresete ba ba neng ba tswa kwa Masedonia ba ntletse mpho e nngwe. Ga ke ise nke ke lo kope le fa e le ledi ebile ga ke kitla ke dira jalo.
10Ke solofetsa se ka selekanyo sengwe le sengwe sa boammaaruri jo ke nang najo, gore ke tlaa bolelela mongwe le mongwe mo Akaia ka gone!

Paulo o bua ka batsietsi

11Ka ntlha ya eng? A ke ka ntlha ya gore lwa re ga ke lo rate? Modimo o a itse gore ke a lo rata. 12Mme ke tlaa go dira gore ke tlhokise ba ba ipelafatsang seipato sa gore ba dira tiro ya Modimo jaaka re e dira.

13Modimo ga o a roma batho bao gotlhelele; ke “batsietsi” ba ba lo tsietsang gore lo gopole gore ke baaposetoloi ba ga Keresete. 14Le fa go ntse jalo ga ke hakgamale! Satane o ka iphetola moengele wa lesedi, 15jalo ga go hakgamatse gore batlhanka ba gagwe ba ka dira jalo le bone, ba bonale jaaka baruti ba Modimo. Kwa bokhutlong ba tlaa amogela kotlhao nngwe le nngwe e e tshwanelang ditiro tsa bone tsa boikepo.

Paulo o ipela ka tshotlego ya gagwe

16Gape ke a lo kopa, se gopoleng gore ke latlhile botlhale jwa me go bua jaana; mme le fa lo gopola jalo, ntheetsang, nna seeleele, sematla, fa le nna ke ipelafatsa go se kae jaaka ba dira. 17Go ikgantsha mo go ntseng jalo ga se sengwe se Morena o se ntaoletseng go se dira, gonne ke dira jaaka seeleele se se senang tlhaloganyo. 18Le fa go ntse jalo batho bao ba tsweletse ka go lo bolelela gore ba ditswerere go le kae, le nna ke tlaa tswelela jalo.

19
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Bakorintha II 11:20.
20
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Bakorintha II 11:19-20.
(Lo gopola gore lo botlhale thata, le fa go ntse jalo lo reetsa dieleele tseo; ka boitumelo; ga lo re sepe fa di lo dira makgoba a tsone di bo di tsaya sengwe le sengwe se lo nang naso, ba lo ja ntsoma, di lo faphamola sefatlhogo.
21Ketlhabiwa ke ditlhong gore ke re ga ke a nonofa mme ke le pelokgale jalo! Mme le fa e le eng se ba ka ipelafatsang ka sone, ke bua jaaka seeleele gape, ke ka ipelafatsa ka sone le nna).

22Ba ikgantsha gore ke Bahebera, a ke bone? Ee, le nna ke Mohebera, ebile ba re ke Baiseraele, batho ba ba itlhophetsweng ke Modimo? Le nna ke Moiseraele. Ebile ba re ke bo morwa Aberahame? Ee, le nna ke morwawe.

23Ba re ba direla Keresete? Mme ke mo diretse go feta! (A ke kile ka ipelafatsa jaana?) Ke dirile thata, ke golegilwe gantsinyana, ke iteilwe mo go senang palo, mme ka lebagana le loso gantsintsi.

24Makgetho a matlhano a a farologanyeng, Bajuta ba ntiteile dithupa di le masome a mararo le boferabongwe.

25Ke iteilwe ka dithobane gararo. Ka kgobotlediwa ka maje gangwe fela. Ka thubegelwa ke sekepe gararo, ka tlhola mo lewatleng bosigo jotlhe le letsatsi le le latelang.

26Ke tsamaile maeto a maleele a a lapisang ebile ke tsenye mo kotsing ya merwalela gantsi, mo bothukuthing, le mo go bagaetsho, Bajuta, le mo diatleng tsa Badichaba. Ke ne ka lebagana le dikotsi tse di diphatsa thata di tswa mo bathong ba bantsi ba metse le mo losong mo dikakeng le mo matsubutsubung a mawatle le mo bathong ba ba ipitsang bakaulengwe mo Moreneng mme e se bone.

27Ke tshedile ka letsapa, le ditlhabi le masigo ke sa robale. Ke bolailwe ke tlala gantsi le lenyora ka bo ka felelwa ke dijo; ke roromisitswe ke serame gantsi, ke sena diaparo tse di lekanyeng go nthuthafatsa.

28Jalo, mo godimo ga tse tsotlhe, ke na le tlhobaelo e e tsweletseng pele gore diphuthego di tsamaya jang: 29Ke mang yo e a reng a dirile phoso ke se ke ke mo utlwele botlhoko? Ke mang yo e a reng fa a wa ke se ke ke rate go thusa? Ke mang yo e a reng fa a utlwisitswe botlhoko mo moweng ke nne fela ke sa gakalele yo o mo utlwisitseng botlhoko?

30Mme fa e le gore ke tshwanetse go ikgantsha, ke ka mpa ka ikgantsha kaga dilo tse di mpontshang bokoa jwa me. 31Modimo, Rraagwe Morena wa rona Jesu Keresete, yo o tshwanetseng go bakwa ka metlha le metlha, o a itse gore ke bolela boammaaruri. 32Jaaka erile kwa Damaseko molaodi wa kgosi Aretase a mpeela badisa mo dikgorong tsa motse go ntshwara; 33mme ke ne ka falotshiwa ka thapo le seroto mo phatlheng ya lokotswana lo lo ageletseng motse mme jalo ka tswa! (A go itsege mo go golo!).
Copyright information for TsnLEF